Kishore Kumar Hits

Sereetsi & The Natives - Maitsetsepelo текст песни

Исполнитель: Sereetsi & The Natives

альбом: Four String Confessions


O kile wa bona o pateletswa
O patikwa puo o sa e bolela
O kokometswa tiro o sa di dira
O le sebodu o sa bodisa
Kobo bodupa o sa di itse
Mme bosupi bo go supa bodupa
Ba re o leja-bana le matlho masoke
La go ja maswe la tlhoka kgodisa
Wa tlhoka bosupi wa tlhoka basupi
Ba re o leja-bana le matlho masoke
La go ja maswe la tlhoka kgodisa
Wa tlhoka bosupi wa tlhoka basupi
Wa tlhoka maitsetsepelo
Ba itsetsepela
Ba re o maaka o motala o maaka matalana we
Wa tlhoka maikepelo
Ba ikepela
Ba re o tswa kae o nkga kaekaekae weee
O kile wa patikwa ke batho metlholo
Ba re o bosula o swele re sweletse
Ba re re wetse botengtengtengteng
Ba go bopetse kgomo ya mmopa
Ya bopa ya go jela seriti
Ba re seriti sa eng o ntse seriri sebatana
Ba go bopetse kgomo ya mmopa
Ya lema dinaka ya go jela nama
Ya kgapha boloko ya go gonyetsa marama wee
Ba go bopetse kgomo ya mmopa
Ya lema dinaka ya go jela nama
Ya kgapha boloko ya go gonyetsa marama wee
Wa tlhoka maitsetsepelo
Ba itsetsepela
Ba re o maaka o motala o maaka matalana we
Wa tlhoka maikepelo
Ba ikepela
Ba re o tswa kae o nkga kaekaekae weee
Wa tlhoka maitsetsepelo
Ba itsetsepela
Ba re o maaka o motala o maaka matalana we
Wa tlhoka maikepelo
Ba ikepela
Ba re o tswa kae o nkga kaekaekae weee
Wa tlhoka maitsetsepelo
Ba itsetsepela
Ba re o maaka o motala o maaka matalana we

Поcмотреть все песни артиста

Другие альбомы исполнителя

Похожие исполнители

Ban-T

Исполнитель

A.T.I

Исполнитель